Via Afrika Setswana Home Language Grade 9 Novel: O foo ke fano

R86.90

These novels have been written to match the interests and reading levels of Grade 7, 8 and 9 learners. The novel forms an important part of the reading component of the CAPS curriculum and must be used in addition to the class reader.

View Cart
ISBN: 9781415441671
Categories: , , ,

Description

Erile go utlwa gore e wele ka lonaka, monnamogolo Gaonyadiwe Phatlhane o thutse botala ka tlhogo, lotsolotlhe leo le kileng la bo le na le kamano nae, (ba losika, baagisanyi, badira mmogo go akarediwa le mothapi wa gagwe wa maloba (ba bueledi) Bullard and Bullard), lwa thologela motse wa Ratjiepane go mo phutha. Motswalaagwe Moditle a motsatsanka ka mafoko a a maphatswa pele a tsenngwa mo seroring sa phitlho go leba kwa dirapeng. Ba mina ka nko e lenngwe baagi ba shakgala ba re, “It’s happening” e tswalwe go sa nneng jalo e tla fetoga pilo! Go tla jaang gore morwa loso lo dirwang Romeo le kgakana seema ka nkotwana serope ke ntsetsenene Precious, ba retelelwe ke go tsena mo ‘nyalong etswa bobedi jo e le mathe le loleme?” E ka ne e le ka ntlhaa bogodu jwa mathale a motlakase? Kgotsa ‘tiro dingwe tsa bo – itireleng ka lefi tshwana? Bobedi jo bo amega jaang mo khularong ya ga monnamogolo Phatlhane? Wa kwa Mabopane e ne ke mang? Go reng a sa ntsu a sa ogole sepe? Moseka phofu yaabo mogaetsho, ga a swe lentswe.

Buka eno ya Padi, e na le ditlhokego tsotlhe tsa PPKT mme e tlile go nna mosola mo go tlaleletseng lenane la dibuka tsa Via Afrika Puo ya Gae e leng Buka ya morutwana, Kaedi ya morutabana le Buka ya Puiso.