Via Afrika Setswana Home Language Grade 7 Novel: Motlhopha-ntsi ke yo o kgorang

R57.90

These novels have been written to match the interests and reading levels of Grade 7, 8 and 9 learners. The novel forms an important part of the reading component of the CAPS curriculum and must be used in addition to the class reader.

View Cart
ISBN: 9781415441657
Categories: , , ,

Description

Moeng o ne a bodiwa matsogo le kwa a neng a tswa teng, ga bonwa gore go ne go sa tshwanelwa gore a ka bodiwa dikgang tsa lefatshe lotlhe a ise a bone sepe sa go ja. Kana ga twe ‘tsie e fofa ka moswang’. O ne a kgelwa go tswa mo setlaaganeng se go neng go le nkgo ya madila mme a neelwa go ja. Moeng o ne a kopiwa a be a kopiwa go ja dijo mme ga bonagala gore go ne go le sengwe mo dijong tsa gagwe se se neng se mo iletsa go ja. E rile gore moeng a bodiwe gore e ne e le eng se se neng se mo iletsa go ja, a araba ka go re madila a ne a tletse dilabe tse e leng tsona o neng a ntse a di kgotla ka lotlhokwa go di tlhopha mo go ona. Ruri monna yono o ne a sa tshwarwa ke tlala o ne a kgotse jaaka Motswana a bua a re ‘Motlhopha-ntsi ke yo o kgorang’.

Buka eno ya Padi, e na le ditlhokego tsotlhe tsa PPKT mme e tlile go nna mosola mo go tlaleletseng lenane la dibuka tsa Via Afrika Puo ya Gae e leng Buka ya morutwana, Kaedi ya morutabana le Buka ya Puiso.