Via Afrika Folklore anthology: Setswana Home Language Grade 12

R99.90

A o batla go ikitse? A o batlana le setlhangwa se se ka tsosolosang boleng jwa kitso ya tlholego mo go wena? A o batla go falola marematlou a gago ka dipholo tse di tsabakelang dinaledi? Fa go le jalo se etsaetsege, setlhangwa sa rona sa setso sa ‘Via Afrika’ Mophato 12, se teng go go tlhaba matlhaledinaane tse di supang boitlhamedi jo bo manontlhotlho, tse di lepalepanang le dinako, ditshwantsho tse di tlhapileng jaaka dinaledi, maboko a a gakololang motho setso sa gagwe, puo e e nopolegang ya diane le maele mmogo le dithamalakwane tsa maloba, maabane le gompieno. Botlhokwa jwa buka e go Motswana mongwe le mongwe yo o ipelang ka puo ya gaabo, e e leng letlotlo la polokelo ya botlhokwa ya melao le setso, bo ka se lekanngwe le sepe. E dire karolo ya loeto lwa botshelo jwa gago, o somarela puo le ngwao tsa gaeno.

Tsotlhe tse, di tlhagisiwa ka thulaganyo e e sa tseiseng ope sedidi, ka dipotso tsa boleng jo bo kwa godimo.Setlhangwa se, se arabela ka botlalo ditlhokego tsa Pegelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Ga se setlhangwa sa barutwana kwa dikolong fela, ke sa motho mang kgotsa mang yo o nyoretsweng go ikitse.

View Cart
ISBN: 9781415445372
Categories: , , ,

Description